Mark 11

Jesu o tsena mo Jerusalema

1Mme erile ba atamela Bethefage le Bethania ntlheng ya Jerusalema ba tla mo thoteng ya Lotlhware, Jesu a romela barutwa ba gagwe ba babedi kwa pele.

2A ba raya a re, “Yang mo motsing ole, mme e tlaa re fela fa lo tsena lo tlaa bona tonkana e golegilwe e e iseng e ke e palangwe, e gololeng lo e lere kwano. 3Mme e re fa mongwe a lo botsa gore lo dirang, lo re, ‘Morena wa rona o a e batla mme o tlaa e busa ka bonako.’ ”

4
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 11:5.
5
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 11:4-5.
Hong banna ba babedi bao ba tsamaya ba fitlhela tonkana eo?”
6Hong ba bua se Jesu a se ba boleletseng mme batho ba ba letla.

7Hong tonkana ya isiwa kwa go Jesu, barutwa ba baya diaparo mo mokwatleng wa yone gore Jesu a nne mo go tsone.

8Hong ba le bantsi mo matshutitshuting ba ala diaparo tsa bone mo tseleng fa pele ga ga Jesu, fa ba bangwe ba latlhela dikala tsa ditlhare tse ba tswang go di rema kwa nageng.

9O ne a le fa gare ga dipopelelo, go na le boidiidi kwa pele le kwa morago, ba goa ba re, “Tshela ka boleele Kgosi! Go sego yoo tlang ka leina la Morena! 10Go sego bogosi jo o bo lereng, Bogosi jwa ga Dafide rraetsho! Modimo boloka kgosi!”

11Mme hong a tsena mo Jerusalema a ya mo Tempeleng. Mme ya re a sena go leba dilo tsotlhe, ka kelotlhoko, a tswa a tsamaya, gonne go ne go setse go le maitseboa, a ya Bethania le barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi.

Jesu o futsa setlhare sa mofeige

12E rile moso o o latelang fa ba tloga mo Bethania, a tshwarwa ke tlala. 13Ya re kgakalanyana fa thoko ga tsela a bona setlhare sa mofeige se le matlhare a matala, hong a tsamaya a ya go bona gore a ga a kake a bona loungo mo go sone. Le fa go ntse jalo ga bo go se na sepe, e le matlhare fela, gonne e ne e ise e nne lobaka lwa maungo.

14Hong Jesu a raya setlhare a re, “Ga o kitla o tlhola o ungwa gape!” Mme barutwa ba mo utlwa fa a bua jalo.

Jesu o leleka ba ba rekisang mo tempeleng

15Mme e rile fa ba goroga mo Jerusalema a tsena mo Tempeleng a simolola go kgoromeletsa kwa ntle ba ba rekisang le ba ba rekang, a pitikolola ditafole tsa ba ba ananyang madi le maobo a ba ba rekisang maphoi, 16a kganela botlhe ba ba neng ba lere dilwana tsa thekiso.

17A ba raya a re, “Go kwadilwe mo dikwalong gore, ‘Ntlo ya me ya thapelo e tshwanetse go nna bonno jo dichaba tsotlhe di rapelelang mo go jone;’ mme lo setse lo e fetotse mongobo wa dinokwane.” 18Hong e rile baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba Sejuta ba utlwa se o se dirileng ba simolola go loga maano a gore ba ka mmolaya jang. Mathata a bone e ne e le go boifa gore go tlaa tsoga mokubukubu gonne batho ba ne ba kgatlhegela thuto ya ga Jesu thata.

19Mo maitseboeng ao jaaka gale ba ne ba tloga mo motsing.

Nonofo ya tumelo

20Letsatsi le le latelang, fa barutwa ba feta fa setlharing sa mofeige se o se hutsitseng, ba bona gore se omeletse go simologa kwa meding! 21Hong Petere a gakologelwa se Jesu a neng a se raya setlhare maabane, mme a re “Bona, Moruti! setlhare sa mofeige se o se hutsitseng se omeletse!” 22
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 11:23.
23
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 11:22-23.
Mo karabong ya gagwe, Jesu a raya barutwa a re, “Fa lo na le tumelo mo Modimong, boammaaruri jo e leng jone ke jo, lo ka raya thaba ya Lotlhware lwa re, ‘Manologa o wele mo teng ga lewatle’, mme taolo ya lona e tlaa diragala. Se se tlhokegang fela ke gore lo dumele lo sa belaele!
24Ntheetsang! Lo ka rapelela le fa e le eng, mme fa lo dumela, lo tlaa se amogela! 25Mme fa lo rapela, pele itshwareleng ba lo nang le melato le bone gore Rraeno yo o kwa legodimong a lo itshwarele dibe le lona.”

Nonofo ya ga Jesu

26
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 11:28.
27
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 11:28.
28
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 11:26-28.
Ka nako e ba bo ba gorogile mo Jerusalema gape, mme ya re a tsamaya mo felong ga Tempele, baperesiti ba bagolo le ba bangwe ba baeteledipele ba Sejuta ba tla kwa go ene ba mo raya ba re, “Go diragalang fano? Ke mang yo o go neileng nonofo ya go lelekela babapatsi kwa ntle?”
29Mme Jesu a ba araba a re, “Ke tla lo bolelela fa lo ka araba potso e le nngwe fela! 30Lwa reng ka Johane wa Mokolobetsi? A o ne a romilwe ke Modimo kgotsa nnyaa? Nkarabang!”

31Mme ba buisanya ka ga potso eo ba re, “Fa re araba re re o romilwe ke Modimo, o tlaa re, ‘Go siame, ke ka ntlha yang lo ne lo sa mo dumele’ 32Mme fa re re Modimo o ne o sa mo roma, hong batho ba tlaa tsosa mokubukubu,” (Gonne batho botlhe ba dumela fa Johane e ne e le moporofiti). 33Hong ba re, “Ga re ka ke ra araba. Ga re itse.” Mme Jesu a fetola a re, “Le nna ga nkitla ke araba potso ya lona!”
Copyright information for TsnLEF